Galatians 3

Tumelo kgotsa melao ya Sejuta

1Ao Bagalatia ba ba dieleele! Lo tseantswe ke moloi yo o ntsengjang a bo a lo tsenya mowa wa bohema? Gonne lo kile lwa bo lo bona sentle se loso lwa ga Keresete lo se rayang jaaka o ka re ke ne ke kile ka baya fa pele ga lona lomati lo lo nang le setshwantsho sa ga Keresete a a swa mo mokgorong. 2Mmang ke lo botse potso e: “A lo amogetse Mowa O O Boitshepo ka go leka go boloka melao ya Sejuta?” Nnyaa, ga go a nna jalo, gonne Mowa O O Boitshepo o tsile mo go lona fela lo sena go utlwa kaga Keresete lo bo lo mo ikanya go lo boloka. 3Jalo he, a lo tsenwe ke botsenwa gotlhelele? Gonne fa go leka go obamela melao ya Sejuta go ise go ke go bo go lo neye botshelo jwa semowa lwa ntlha, ke eng fa jaanong lo akanya gore go leka go e obamela go tlaa lo dira Bakeresete ba ba itekanetseng? 4Lo bogetse Mafoko a a Molemo thata. A jaanong lo tsile go a latlhela gongwe le gongwe fela? Ga ke dumele tota!

5Ke lo botsa gape ka re, a Modimo o lo naya nonofo ya Mowa O O Boitshepo o bo o dira dikgakgamatso mo go lona e le ka ntlha ya go leka ga lona ga go obamela melao ya Sejuta? Nnyaa, tota ga go a nna jalo. Ke fa lo dumela mo go Keresete lo bo lo mo ikanya ka botlalo.

6Aberahame o ne a na le one maitemogelo a, Modimo wa mo supa fa a le moitekanedi go tsena mo legodimong fela ka gore o ne a dumela ditsholofetso tsa Modimo. 7Lo ka bona mo go one maitemogelo a gore bana ba ga Aberahame tota ke batho botlhe ba tumelo ba ba ikanyang Modimo ka boammaaruri.

8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bagalatia 3:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bagalatia 3:8-9.
Mo godimo ga moo, se sengwe gape ke eng, Dikwalo di ne di solofetse lobaka lo lwa gore Modimo o boloke le badichaba ka tumelo ya bone. Modimo ga o bolo go bolelela Aberahame bogologolo kaga sone selo se fa o re, “Ke tlaa segofatsa mo chabeng nngwe le nngwe ba ba inkanyang jaaka wena.” Mme go ntse fela jalo: botlhe ba ba ikanyang Keresete ba na le seabe mo go lone lesego le Aberahame o le amogetseng.

10Ee, mme ba ba ikaegileng mo melaong ya Sejuta go ba boloka ba mo phutsong ya Modimo, gonne Dikwalo di supa sentle thata di re, “Go hutsegile mongwe le mongwe yo ka nako nngwe a robang mongwe wa melao, e e kwadilweng mo Lokwalong lwa Modimo lwa Molao.”

11Ka go rialo, go bonala sentle gore ga go na le fa e le ope yo o ka bonang botsalano le Modimo ka go leka go tshegetsa melao ya Sejuta, gonne Mo-dimo o rile tsela fela e ka yone re ka siamang mo ponong ya one ke ka tumelo. Jaaka moporofiti Habakuke a ne a bua a re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona fela ka go ikanya Modimo.” 12A pharologanyo e tona fa gare ga tsela e ya tumelo le tsela ya molao o o reng motho o bolokwa ke go obamela molao mongwe le mongwe wa Modimo, a sa sute le fa e le gangwe fela. 13Mme Keresete o re rekile ka fa tlase ga phutso eo ya tsela e e sa kgonegeng ka go tsaya phutso ya rona ka ntlha ya ditiro tse di bosula a e baya mo magetleng a gagwe. Gonne go kwadilwe mo Lokwalong gatwe, “Le fa e le mang yo o pegilweng mo setlhareng o hutsegile,” (jaaka Jesu a ne a lepelediwa mo mokgorong wa logong).

14Jaanong Modimo o ka segofatsa Badichaba le bone, ka lone lesego le o le solofeditseng Aberahame; mme rotlhe re le Bakeresete re ka nna le Mowa O O Boitshepo o re o solofeditsweng ka yone tumelo e.

15Bagaetsho ba ba rategang, le mo botshelong jwa malatsi otlhe fa motho a direla yo mongwe tsholofetso, fa e kwadilwe ya ba ya saenwa (tlanngwa) ga e kake ya fetolwa. Ga e kake ya re morago ga moo a fetoga a dira se sele. 16Jaanong, Modimo o neetse Aberahame le Ngwana wa one ditsholofetso dingwe. Mme lemogang gore ga gotwe ditsholofetso di ne di neetswe bana ba gagwe, jaaka go ne go katwe, di tshwanetse bomorwae botlhe, ebong Bajuta botlhe ba go neng go buiwa kaga bone, mme tota go ne go buiwa kaga Morwawe ebong Keresete.

17Se ke lekang go se bua ke se: Tsholofetso ya Modimo ya go boloka ka tumelo, le gore Modimo o kwadile tsholofetso e, wa ba wa e saena (tlanya), e ne e sa kake ya dirololwa kgotsa ya fetolwa morago ga dingwaga di le makgolo a le mane le masome a le mararo fa Modimo o ntsha Melao e e Some. 18Fa go obamela melao eo go ne go ka re boloka, mme go bonala sentle gore mo e ne e tlaa bo e le tsela e sele ya go nna botsalano le Modimo go na le tsela ya ga Aberahame, gonne go ne ga nna motlhofo mo go ene go amogela tsholofetso ya Modimo.

Go tlhongwa ga melao

19Jalo he, melao e ne e direlwang? E ne ya okediwa tsholofetso e sena go dirwa, go supegetsa batho gore ba molato go le kae ka go roba melao ya Modimo. Mme tsela e ya molao e ne e tshwanetse go nna teng fela go fitlhelela Keresete a tla, ngwana yo tsholofetso ya Modimo e neng ya diragadiwa ka ene. (Mme go santse go na le pharologanyo nngwe. Modimo o ne wa neela baengele melao ya one go e neela Moshe, yo ene a neng a e neela batho; 20mme erile fa Modimo o neela Aberahame tsholofetso ya one, o ne wa e dira ka boone o le nosi, kwa ntle ga go roma baengele kgotsa Moshe).

21
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bagalatia 3:22.
22
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bagalatia 3:21-22.
Jalo he, a melao ya Modimo le ditsholofetso tsa one di a ganetsanya? Ga go a nna jalo! Fa re ne re ka bolokwa ka melao ya one, jalo Modimo o ka bo o sa re naya tsela e sele go tswa mo botshwarong jwa sebe, gonne Dikwalo di gatelela gore re magolegwa a sebe. Tsela fela e re ka falolang ka yone ke ka tumelo mo go Jesu Keresete; tsela ya go falola e bulegetse botlhe ba ba dumelang mo go ene.

23Go fitlhelela Keresete a tla re ne re disitswe ke molao, re beilwe mo tisong e e babalesegileng, go bua jalo ke gore, go fitlhelela re dumela mo Mmoloking yo o tlang.

24Mmang ke tlhalose ka tsela e nngwe. Melao ya Sejuta e ne e le moruti wa rona le mokaedi go fitlhelela Keresete a tla go re neela seemo se se nitameng mo Modimong ka tumelo ya rona. 25Mme jaanong ka gore Keresete o tsile, ga re sa tlhole re tlhoka melao eo go re disa le go re etelela pele e re isa kwa go one.

26Gonne jaanong rotlhe re bana ba Modimo ka tumelo mo go Jesu Keresete, 27ebile rona ba re kolobeditsweng go nna selo se le sengwe le Keresete, re mo apere. 28Ga re sa tlhole re le Bajuta kgotsa Bagerika kgotsa makgoba kgotsa batho ba ba golotsweng, kgotsa banna fela kgotsa basadi, mme re tshwana fela rotlhe, re Bakeresete; re bangwe fela mo go Keresete Jesu. 29Mme jaanong ka gore re ba ga Keresete, re losika lwa ga Aberahame tota, mme ditsholofetso tsotlhe tse Modimo o di mo solofeditseng ke tsa rona.
Copyright information for TsnLEF